Kaelo go Setšhaba...
Go tlile go thatafala
Ikonomi ya lefatshe e mo seemong se se masisi go feta mo dingwageng tse di fetileng. Go ya ka pego ya International Labour Organisation batho ba le dimilione di le 18 ba lebagane le go latlhegelwa ke ditiro tsa bona mo ngwageng o. Palo e go bonala e ka tlhatlhogela kwa godimo. Lefatshe lotlhe le amilwe ke seemo se sa ikonomi e e koafetseng. Fa go lejwa mafatshe a mantsi go kaya United States, Brithani le France go tota go boifisa. Afrika
Borwa yona ga e a amega thata mme e bile re ikaelela go netefatsa gore maemo a nna fela jalo. Maikaelelo a rona ke gore re dire botoka gore re kgone go tlamela ditlhokego tsa batho ba rona. Re ikaelela go dirisa nako e e tlang go lebagana le mathata a a re tobileng.
Jaaka lefatshe lotlhe, ikonomi ya rona e gola ka bonya. Le rona re lebagane le go latlhegelwa ke ditiro mme batho ba le bantsi ba tlile go fitlhela go le boima go tlamela magae a bona. Ga ikonomi e koafetse mmuso o kgobokanya lekgetho le le kwa tlase. Se se kaya gore mmuso o tshwanetse go adima madi go fitlhelela ditlhokego tsotlhe tsa ona.
Mmuso o tlile go tswelela ka go godisa ditirelo go thusana le batho ba ba humanegileng mme ditiro tsa setshaba di tla atisa ditšhono tsa go dira. Go feta dibilione di le 780 tsa diranta di tlile go dirisiwa mo diporojekeng tsa ditiro mo dingwageng tse tlhano tse di latelang. Tse di akaretsa diteishene tsa motlakase, ditsela le mmila wa terene, go tlhabolola mafaratlhatlha a metsi le go aga matlo. Re tlile go dira le mekgatlho ya kgwebo le mekgatlho ya badiri go netefatsa gore ga go latlhege ditiro tse dintsi.
Dinaga tse dintsi ga di kgone go tsibogela maemo a jaaka rona. Afrika
Borwa e kgona go tsaa dikgato tsa go sireletsa ikonomi ya rona le bao ba humanegileng ka gonne mo dingwageng tse di fetileng re tshwere madi a rona ka manontlhotlho. Re bolokile madi ga ikonomi ya rona e ne e dira sentle. Ke ka goo re kgonang go oketsa madi a go lere ditirelo mo setshabeng.
Dintlha-kgolo ke tse:
R45 bilione e tla abelwa diporofensi go tlhabolola thuto, bophelo le ditsela le go tlhabolola magae
R10.9 bilione a beetswe matlo, metsi le ditirelo tsa masepala
R5.4 bilione e okeleditswe go tlhabolola tsa bosiamisi
R6.4 bilione e tla abelwa go lebagana le teranseporoto ya botlhe, le mafaratlhatlha a mebila le seporo
Le ga mmuso o tlile go semelela go leka go lebagana le ditirelo tsa maAfrika
Borwa, go tlile go nna boima. Badiredi ba mmuso ba tshwanetse go lemoga gore ditlamelo tsa puso ke tsa batho ba Afrika Borwa botlhe. Batho botlhe ba na le maikarebelo a go netefatsa gore madi ga a senngwe ke badiredi ba mmuso. Re tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola maemo a ikonomi ya rona.
Puso e dira ka natla go thusa batho ba ba sa direng ka ditiro. Lenaneo la ditiro tse di atolositsweng le simolotse ka 2004/05. Mo dingwageng tse tlhano lenaneo le le tlhotse ditiro di le 70 000 go bao ba se nang boitseanape ba tiro. Ditiro tse di tlhotswe ka go oketsa palo ya badiri ba ba dirang mo diporejekeng tsa mmuso mo go tliseng ditirelo tsa setšhaba. Le ga ditiro tse e le tsa nakwana batho ba bone boitseanape ba go dira. Go tloga ka 2009 mmuso o tla atolosa ditiro. Go beetswe thoko madi a a kana ka R4.1 bilione go tlhola ditiro tse dintsi mo dingwageng tse tlhano tse di tlang. Ditiro tse di tlile go nna jaana:
Go thusetsa bao ba lwalang kwa magaeng a bona
Go aga , go tlhokomela le go sireletsa tsa tlhago
Mananeo a masha a a tsamaisiwang ke dikopano tsa bao ba sa direleng morokotso, ba tsa sedumedi le badiredisetšhaba
Mmuso o ikaeletse go oketsa palo ya ditiro tsa seleruri di le
000 ka ngwaga go fitlha ka go thusana le maitlhomo a go lwa le bohuma le botlhokatiro.
Borwa a le dimilione di le lesome le boraro. Lenaneo le tlile go thusa ba o ba humanegileng, bana ba bannye, bao ba sa itekanelang le batsofe.
Mmuso o tlile go bonelela bao ba sa tswang go latlhegelwa ke ditiro tsa bona, e bile o letla bao ba se nang madi go tsena sekolo, ditirelo tsa maphelo le tsona di ka bonwa mahala go tsenyeletsa metsi le motlakase go bao ba aperweng ke lehuma. Batho ba ba gateletsweng ba ka bona thuso ya nakwana dikgwedi di le thataro. Go fitlhela dingwaga tse di sometlhano bana bao batsadi ba bona ba amogelang ka fa tlase ga R2 300 ka kgwedi ba ka bona madi a katlaatleloloago. Banna ba ba kwa godimo ga dingwaga tse di 63 le basadi ba dingwaga tsa bona di leng kwa godimo ga 60 ba ka bona madi a phenshene ga ba amogela madi a a kwa tlase ga a a rileng. Go tloga ka Moranang 2009 dingwaga tsa banna tsa go amogela phenshene ya batsofe e tla nna 61 mme ka Moranang 2010 e tla theogela go
Madi a katlatleloloago a tla okediwa jaana:
Ya batsofe, bao ba sa itekanelang le bao ba tlhokomelang bana e tla nna R1 010 ka kgwedi
Ya bana e tla okediwa go ya go R240 ka kgwedi
Ya bao ba tlhokomelang dikhutsana e tla okediwa ka R30 go ya go R680 ka kgwedi
Ka 2009/10 madi a a tla ya go dibilione di le R80 e leng diperesente tse 12 tsa tiriso ya madi a mmuso. Se se dira Afrika
Borwa setshaba se se kwa godimo mo go ba ba tsenyang madi go thusa bao ba sa kgoneng.
